Back to Top

Letimela Video (MV)




Performed By: Obstakls
Language: English
Length: 3:28
Written by: Solo Mmokele
[Correct Info]



Obstakls - Letimela Lyrics
Official




Ke letimela
Ke tsamaya ke goga maoto
O ka re ke a ikimela
Tumelo e bokete
Nako tse dingwe ha ke iteba mo seiponeng
Ke ikhitlhela ke lebaganye
Le moeng yo o ntibileng
A sa nkitse a le dipelaelo tse dintsi
Gore ke bosula bontsi jaaka mokgoreletsi
Go itshepha go mpaletse
Ke letimela la modumedi tumelo e feletse
Jaanong ke timeletse
Mo nageng
E e ditsela tse di tsamaiwang ke tau
Phiri le lengau
Di ntshetse morago
Di batla go mpula tlhogo jaaka legapu
Ke iphitlhetse ke iphitlhile
Mo lehuting la thakadu
Maoto ke tshwerwe ke bogatsu
Go sena ko nka ya teng
Ke gatsetse jaaka statue
Gone jaanong
Ke gorogile ha tseleng
E kgaoganang sebedi sa ditseleng
A ke tlhophe tsela bogolo
Ke lese go ema jaaka setshwantsho
Se se tlhomilweng
Tswelelo pele ya mosepele
E tla nkgorosa kwa lwapeng
Ke letimela la modumedi
Yo tumelo ya bodumedi e latlhegileng
Gareng ga sekgweng sa botshelo
A ke tlhophe tsela ke tsamayeng
I need your light
Take me out of this darkness
And into your perfect light
Your perfect light
Gatwe fa motho a le mogopolo
Gore ke sengwe mme e se sepe
Wa bo a itsietsa tlhaloganyo
Ka jalo ke tshwanetse go
Itlhatlhoba tlhaloganyo
Maikutlo ke a tlhanolole
Ke itlhatlose mo lefelong la pitlaganyo
Tota ke inyaditse go feta selekanyo
Yo ke mmonang mo seiponeng
Mo go ene ga ke na boikanyo
Boitshwaro ke itshwara ka setla sa molema
Dinao ke a di rema ha ke re ke a ema
Gore ke ikitse ke tshwanetse go iste
Gore ga ke e itse sepe ke sehema
Tsela e e gogelang bodumeding
Ke tla e bona mo tlhakantshukeng
E e mo dibukeng
A ke di buleng
Thuto ke thugeng
Take me out of this darkness
I need your light
I need your touch Lord
I need your light
Take me out of this darkness
And into your perfect light
Gone jaanong
Ke gorogile ha tseleng
E kgaoganang sebedi sa ditseleng
A ke tlhophe tsela bogolo
Ke lese go ema jaaka setshwantsho
Se se tlhomilweng
Tswelelo pele ya mosepele
E tla nkgorosa kwa lwapeng
Ke letimela la modumedi
Yo tumelo ya bodumedi e latlhegileng
Gareng ga sekgweng sa botshelo
A ke tlhophe tsela ke tsamayeng
[ Correct these Lyrics ]

[ Correct these Lyrics ]

We currently do not have these lyrics. If you would like to submit them, please use the form below.


We currently do not have these lyrics. If you would like to submit them, please use the form below.


English

Ke letimela
Ke tsamaya ke goga maoto
O ka re ke a ikimela
Tumelo e bokete
Nako tse dingwe ha ke iteba mo seiponeng
Ke ikhitlhela ke lebaganye
Le moeng yo o ntibileng
A sa nkitse a le dipelaelo tse dintsi
Gore ke bosula bontsi jaaka mokgoreletsi
Go itshepha go mpaletse
Ke letimela la modumedi tumelo e feletse
Jaanong ke timeletse
Mo nageng
E e ditsela tse di tsamaiwang ke tau
Phiri le lengau
Di ntshetse morago
Di batla go mpula tlhogo jaaka legapu
Ke iphitlhetse ke iphitlhile
Mo lehuting la thakadu
Maoto ke tshwerwe ke bogatsu
Go sena ko nka ya teng
Ke gatsetse jaaka statue
Gone jaanong
Ke gorogile ha tseleng
E kgaoganang sebedi sa ditseleng
A ke tlhophe tsela bogolo
Ke lese go ema jaaka setshwantsho
Se se tlhomilweng
Tswelelo pele ya mosepele
E tla nkgorosa kwa lwapeng
Ke letimela la modumedi
Yo tumelo ya bodumedi e latlhegileng
Gareng ga sekgweng sa botshelo
A ke tlhophe tsela ke tsamayeng
I need your light
Take me out of this darkness
And into your perfect light
Your perfect light
Gatwe fa motho a le mogopolo
Gore ke sengwe mme e se sepe
Wa bo a itsietsa tlhaloganyo
Ka jalo ke tshwanetse go
Itlhatlhoba tlhaloganyo
Maikutlo ke a tlhanolole
Ke itlhatlose mo lefelong la pitlaganyo
Tota ke inyaditse go feta selekanyo
Yo ke mmonang mo seiponeng
Mo go ene ga ke na boikanyo
Boitshwaro ke itshwara ka setla sa molema
Dinao ke a di rema ha ke re ke a ema
Gore ke ikitse ke tshwanetse go iste
Gore ga ke e itse sepe ke sehema
Tsela e e gogelang bodumeding
Ke tla e bona mo tlhakantshukeng
E e mo dibukeng
A ke di buleng
Thuto ke thugeng
Take me out of this darkness
I need your light
I need your touch Lord
I need your light
Take me out of this darkness
And into your perfect light
Gone jaanong
Ke gorogile ha tseleng
E kgaoganang sebedi sa ditseleng
A ke tlhophe tsela bogolo
Ke lese go ema jaaka setshwantsho
Se se tlhomilweng
Tswelelo pele ya mosepele
E tla nkgorosa kwa lwapeng
Ke letimela la modumedi
Yo tumelo ya bodumedi e latlhegileng
Gareng ga sekgweng sa botshelo
A ke tlhophe tsela ke tsamayeng
[ Correct these Lyrics ]
Writer: Solo Mmokele
Copyright: Lyrics © O/B/O DistroKid

Back to: Obstakls

Tags:
No tags yet