Kea lora
Kea lora
Kea lora
Kea lora
Kea lora
Kea lora
Kea lora
Bosigo bongwe le bongwe
Ke lora sefefo sa magakabe
Se nkgobokanetse
Diphuka tsa tsone di phaphasela
Di ntlhasetse
Letshogo lo ntshwere ke gatsetse
Ha di nngatha di nngapa
Lentswe le sa tswe
Ha ke goa ke tlhajwa ke ditlhabi ke sa swe
Ke bapoletswe
Godimo ga lentswe la baratani
Go le ngwedi e le fa pele ga letsatsi
Magodimo a kgwa
Meradi ya ditladi e le mentsi
Ntsose kea lora, toro e nkgateletse
Ntsose toro e nkhupeditse ha ke robetse
Ke thulametse
Ntsose noga kgolo bosigo
E ikgarile fa sehubeng ha e nketetse
Gatwe ditoro ke bana ba bosigo
Kea lora
Kea lora
Kea lora
Gatwe ditoro ke bakaulengwe le bokgaitsadi
Ba loso le boroko
Kea lora
Kea lora
Kea lora
Kea lora
Ha o nkutlwa ke kgorotha
Kea lora
Kea lora
Ditoro bosula ke di tleseditswe ke noga
E nngwe toro e ntsosa
Ke lela jaaka stimamollo
Mo mmeleng ke le bollo
O kare ke thumile mo teng ga mollo
Modimo ke mo lorile
A ntebile a le ditedu bosweu a tenegile
Thupa a kgetlhile
Ya moretlwa
A re ke tshwanetse go beletswa
Boleo a bo ke leswa
Mo letsatsing la Kalahari
Ke beswa
Ntsose toro e nkgateletse
Ntsose noga kgolo e nketse
Gatwe ditoro ke bana ba bosigo
Kea lora
Kea lora
Kea lora
Gatwe ditoro ke bakaulengwe le bokgaitsadi
Ba loso le boroko
Kea lora
Kea lora
Kea lora
Kea lora
Ha o nkutlwa ke kgorotha
Kea lora
Kea lora
Ditoro bosula ke di tleseditswe ke noga